Dipotso tse di Tswang Kwa Babading
Mo go 1 Petere 2:9, “King James Version” e bitsa Bakeresete ba ba tloditsweng e re “losika lo lo tlhophilweng.” A seno se tshwanetse sa ama tsela e re lebang ka yone tiriso ya ga Jesu ya lefoko “losika” e e kwadilweng mo go Mathaio 24:34?
Lefoko “losika” le mo ditemaneng tseo ka bobedi mo dithanolong dingwe. Go ya ka King James Version, moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Mme lona lo losika lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, setšhaba se se kgethegileng; gore lo tle lo bonatse dipako tsa ene yo o lo biditseng mo lefifing a lo biletsa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” Mme Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Ruriruri ke a lo raya, Losika lo ga lo ne lo feta, go fitlha dilo tsotlhe tse di diragadiwa.”—1 Petere 2:9; Mathaio 24:34.
Mo temaneng ya ntlha fano, moaposetoloi Petere o ne a dirisa lefoko la Segerika geʹnos, fa mo temaneng ya mafoko a ga Jesu re fitlhela ge·ne·aʹ. Mafoko ano a mabedi a Segerika a ka tswa a lebega a tshwana, e bile a na le modi o le mongwe fela; lefa go ntse jalo, ke mafoko a a farologaneng, e bile a kaya dilo tse di sa tshwaneng. New World Translation of the Holy Scriptures—With References e bolela jaana mo ntlhanyaneng e e kwa tlase ya 1 Petere 2:9: “‘Race [lotso].’ Segerika., geʹnos; le farologane le ge·ne·aʹ, ‘generation [losika],’ jaaka le dirisiwa mo go Math. 24:34.” Ntlhanyana e e kwa tlase e e tshwanang le eno e fitlhelwa mo go Mathaio 24:34 mo go NW.
Fela jaaka dintlhanyana tse di kwa tlase tseo di bontsha, geʹnos e ranolwa sentle ka lefoko la Seesemane “race,” jaaka le fitlhelwa mo dithanolong di le dintsi tsa Seesemane. Mo go 1 Petere 2:9, Petere o ne a lebisa boperofeti jo bo mo go Isaia 61:6 mo Bakereseteng ba ba tloditsweng ba ba solofetseng go tshela kwa legodimong. Bano ba tserwe mo ditšhabeng le mo merafeng e mentsi e e farologaneng, mme lefa go ntse jalo gore ba tswa mo setšhabeng sefe ga go tlhole go kaya sepe fa ba nna karolo ya setšhaba sa Iseraele wa semoya. (Baroma 10:12; Bagalatia 3:28, 29; 6:16; Tshenolo 5:9, 10) Petere o ne a tlhalosa gore ka tsela ya semoya, ba fetoga setlhopha se se tlhomologileng—“lotso lo lo tlhophilweng, boperesite jwa segosi, morafe o o boitshepo, setšhaba se se ruilweng,” (NW).
Mme lefa go ntse jalo mo temaneng ya Segerika ya mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:34, re fitlhela lefoko ge·ne·aʹ. Go itsiwe sentlentle gore Jesu o ne a sa lebisa go “lotso” lope lwa batho, mme o ne a lebisitse mo bathong ba ba neng ba tshela mo lobakeng lo lo rileng lwa nako.
Mo e batlileng e le dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, Charles T. Russell, poresidente wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a phepafatsa seno fa a ne a kwala jaana: “Lefa mafoko ‘losika’ le ‘lotso’ go ka twe a tswa mo moding o le mongwe fela kana mo motheong o le mongwe fela, gone mme ga a tshwane; mme mafoko ano a mabedi a dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng tota mo Dikwalong. . . . Mo dipegong tse tharo tse di farologaneng tsa boperofeti jono, go bontshiwa fa Morena wa rona a dirisitse lefoko le le farologaneng gotlhelele la Segerika (genea) leo le sa kayeng lotso, mme le na le bokao jo bo tshwanang le jwa lefoko la Seesemane generation [losika]. Ditsela tse dingwe tse lefoko leno la Segerika (genea) le dirisiwang ka tsone di supa gore ga le dirisiwe go kaya lotso, mme le kaya batho ba ba tshelang nako e le nngwe fela.”—The Day of Vengeance, ditsebe 602-3.
Bosheng fela jaana, A Handbook on the Gospel of Matthew (1988), e e diretsweng baranodi ba Baebele, e ne ya re: “[New International Version] e ranola losika lo ka tlhamalalo mme go tswa foo e tlhalosa ka ntlhanyana e e kwa tlase e re, ‘Kana lotso.’ Mme mokanoki mongwe wa Tesetamente e ntšha o dumela gore ‘Mathaio ga a kaye losika lwa ntlha fela morago ga Jesu mme o kaya ditshika tsotlhe tsa Sejuta tse di mo ganang.’ Lefa go ntse jalo, ga go na bosupi bope jo bo malebana le puo jo bo ka tshegetsang tshwetso epe ya tseno, mme ka gone di tshwanetse tsa tlhokomologiwa jaaka maiteko a go tila bokao jo bo mo pepeneneng. Ka nako ya fa mafoko ano a ne a buiwa a ne a lebisitse fela mo bathong ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Jesu.”
Jaaka go tlhalositswe mo ditsebeng 10 go ya go 15, Jesu o ne a kgala losika lwa nako ya gagwe lwa Bajuta, batho ba motlha wa gagwe ba ba neng ba mo gana. (Luke 9:41; 11:32; 17:25) Gantsi fa a bua ka losika loo o ne a dirisa matlhalosi a a jaaka “lo lo bosula le lwa boaka,” le “lo lo sa dumeleng, lo lo kgopo,” le “lwa boaka le boleo.” (Mathaio 12:39; 17:17; Mareko 8:38) Fa Jesu a ne a dirisa lefoko “losika” e le la bofelo, o ne a le mo Thoteng ya Lotlhware a na le baaposetoloi ba bane. (Mareko 13:3) Banna bao, ba ba neng ba ise ba tlodiwe ka moya kana ba nne karolo ya phuthego ya Bokeresete, ruri ba ne ba se “losika” lefa e le lotso lwa batho. Lefa go ntse jalo, ba ne ba tlwaetse thata tsela e Jesu a neng a dirisa lefoko “losika” ka yone go kaya batho ba ba tshelang mo motlheng wa gagwe. Ka jalo ba ne ba tla tlhaloganya sentle gore o ne a akantse eng fa a ne a umaka “losika lo” la bofelo.a Moaposetoloi Petere, yo o neng a le teng foo, o ne a kgothatsa Bajuta jaana moragonyana: “Ipolokeng mo losikeng lo, lo lo sokameng.”—Ditiro 2:40.
Gantsi re ile ra gatisa bosupi jo bo bontshang gore dilo tse dintsi tse Jesu a neng a di boleletse pele mo go yone puo eno ya gagwe (tse di jaaka dintwa, dithoromo tsa lefatshe, le mauba) di ne tsa diragadiwa fa gare ga nako ya fa a ne a bua boperofeti jono le fa Jerusalema e ne e senngwa ka 70 C.E. Tse dintsi, mme e seng tsotlhe. Ka sekai, ga go na bosupi bope jwa gore fa Baroma ba sena go tlhasela Jerusalema (66-70 C.E.) “sesupo sa Morwa Motho” se ne sa bonala, se dira gore “ditšhaba tsotlhe” di hutsafale. (Mathaio 24:30) Ka jalo, tiragatso eo ya fa gare ga 33 C.E. le 70 C.E., e tshwanetse ya bo e ne e le ya kwa tshimologong fela, e se tiragatso e e feletseng kana e kgolwane e le yone Jesu a neng a bua ka yone.
Mo matsenong a ketapele ya thanolo ya gagwe ya buka ya ga Josephus ya The Jewish War, G. A. Williamson o kwala jaana: “Mathaio o re bolelela gore barutwa ba ne ba boditse [Jesu] potso e e gabedi—kaga go senngwa ga Tempele le kaga go tla ga Gagwe ga bofelo—mme A ba neela karabo e e gabedi, eo karolo ya yone ya ntlha e neng e bolelela pele ka phepafalo dilo tse di tla tlhalosiwang ka botlalo ke Josephus.”
Ee, mo tiragatsong ya ntlha, mafoko “losika lo” go bonala a ne a kaya se a neng a se kaya ka dinako tse dingwe—losika lwa Bajuta ba ba sa dumeleng ba ba neng ba tshela ka nako eo. “Losika” loo lo ne lo ka se ka lwa feta lo sa bona se Jesu a neng a se bolelela pele. Jaaka Williamson a ne a akgela, seno se ne sa diragala mo masomeng a dingwaga pele Jerusalema a senngwa, jaaka rahisitori yo o boneng ka matlho, Josephus a ne a tlhalosa.
Mo tiragatsong ya bobedi kana e kgolwane, “losika lo” le lone ka tshwanelo e ne e tla nna batho ba ba tshelang ka nako e le nngwe fela. Jaaka setlhogo se se simololang mo tsebeng 16 se supa, ga re a tshwanela go dira tshwetso ya gore Jesu o ne a bua ka palo e e tlhomilweng ya dingwaga tse di bopang “losika.”
Phapaanong le seo, go ka bolelwa dilo tse pedi tsa botlhokwa kaga nako nngwe le nngwe e e kaiwang ke “losika.” (1) Losika lwa batho ga lo kake lwa tsewa jaaka lobaka lo lo beilweng lwa nako lo lo nang le palo e e tlhomameng ya dingwaga, jaaka ditlhaloso tsa nako tse di kayang palo e e rileng ya dingwaga (lesome kana lekgolo la dingwaga). (2) Batho ba losika lo lo rileng ka kakaretso fela ba tshela ka nako e khutshwane fela, e seng e telele.
Ka ntlha ya seo, fa baaposetoloi ba ne ba utlwa Jesu a bua ka “losika lo,” ba ne ba tla akanya eng? Lefa rona ka gonne re tshedile kwa morago ga tiragalo eo, re itse gore Jerusalema e ne ya senngwa dingwaga di le 37 moragonyana ka “sepitla se segolo,” baaposetoloi ba ba neng ba reeditse Jesu ba ne ba ka se ka ba itse seo. Go na le moo, fa a umaka “losika” seo se ne se tla dira gore ba akanye ka batho ba tshela mo nakong e khutshwane fela e seng gore ba akanya ka lobaka lwa nako e telele. Go ntse jalo le ka rona. A bo mafoko a ga Jesu a moragonyana a tshwanela jang ne: “Ka ga letsatsi leo le nako eo, ga go itse ope, le fa e le baengele ba legodimo, le fa e le morwa, fa e se Rara a le esi fela. . . . Ke gone, le lona nnang fela lo iketleeditse, gonne Morwa Motho o tlaa tla ka nako e lo sa mo solofeleng ka yone.”—Mathaio 24:36, 44.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo mafokong a a reng “this generation [losika lo],” mofuta wa leemedi le le tlhalosang e leng houʹtos le tsamaisana sentle le lefoko la Seesemane “this.” Le ka kaya sengwe se se teng foo kana se se fa pele ga sebui. Mme gape le ka kaya dilo tse dingwe. Exegetical Dictionary of the New Testament (1991) e bolela jaana: “Lefoko [houʹtos] le kaya tiragalo ya ka bonako. Ka jalo [aion houʹtos] ke ‘lefatshe le le leng teng gone jaanong’ . . . mme [geneaʹ haute] ke ‘losika lo lo tshelang gone jaanong’ (ka sekai, Math. 12:41f., 45; 24:34).” Dr. George B. Winer o kwala jaana: “Leemedi [houʹtos] ka dinako tse dingwe ga le kaye sengwe se se gaufi thata ka bonno, mme le kaya sengwe se se kgakala thata, mme e re ka e le sone sa konokono, se ne se le gaufi thata mo mogopolong, se le gaufi thata mo dikakanyong tsa mokwadi.”—A Grammar of the Idiom of the New Testament, kgatiso ya bo7, 1897.