Nako ya Gore re Nne re Thantse
“Mafoko a a Molemo a na le go rerelwa merafe yotlhe pele. . . . mme yo o itshokelang bokhutlong, yoo o tlaa bolokwa.”—MAREKO 13:10, 13.
1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itshoka le go kgothala?
RE TSHWANETSE go itshoka—mo gare ga losika lo lo senang tumelo lo lo kgopo! Fa e sale ka 1914 losika lwa batho lo setse lo le bosula, fela jaaka mo motlheng wa ga Jesu. Mme gompieno bosula bo aname le lefatshe lotlhe. Mo ‘metlheng eno ya bofelo,’ batho ba mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang’ tse di tlhalositsweng ke Paulo. ‘Batho ba ba bosula le batsietsi ba nna ba sulafalela pele fela.’ Go phepafetse gore, “lefatshe lotlhe le namaletse fa tlase ga yo o bosula,” Satane Diabolo, yo jaanong a lekang la bofelo gore a senye lefatshe. Mme se kgobege marapo! Go na le “sepitla se segolo” se se tlang seo se tla dirang gore batho botlhe ba ba ratang tshiamo ba gololwe ka bosakhutleng.—2 Timotheo 3:1-5, 13; 1 Johane 5:19; Tshenolo 7:14.
2. Boperofeti bo ne jwa diragadiwa jang ka 1914?
2 Se se itumedisang ke gore, Jehofa jaanong o tlhomile Morena Jesu Keresete jaaka Kgosi kwa magodimong, a ipaakanyetsa go tlosa baba bao ba gatelelang batho. (Tshenolo 11:15) Go na le boperofeti jo bo gakgamatsang jo bo kwadilweng ke Daniele jo bo diragaditsweng mo lekgolong leno la dingwaga, fela jaaka jo bongwe bo ne jwa diragadiwa fa Mesia a ne a tla la ntlha. Mo go Daniele 4:16, 17, 32, re bolelelwa gore bogosi jo bo tshwanetseng bo ne bo tla tlosiwa mo lefatsheng ka lobaka lwa “metlha e supa.” Mo tiragatsong ya yone e kgolwane, metlha eno e supa e lekana le dingwaga tsa Baebele di supa tsa ‘malatsi’ a le 360 nngwe le nngwe ya tsone, kana dingwaga di le 2 520 fa di feletse.a Di ne tsa simologa ka 607 B.C.E., fa Babilone a ne a simolola go gataka bogosi jwa Iseraele, tsa felela ka 1914 C.E., ngwaga o ka one Jesu a neng a tlhomiwa kwa legodimong jaaka Kgosi e e tshwanetseng ya batho. “Metlha ya Baditšhaba” e ne ya fela ka nako eo. (Luke 21:24) Mme lefa go ntse jalo ditšhaba di ganne go ineela mo Bogosing jo bo tlang jwa ga Mesia.—Pesalema 2:1-6, 10-12; 110:1, 2.
3, 4. (a) Ditiragalo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di ka bapisiwa jang le tsa motlha wa rona? (b) Ke dipotso dife tsa botlhokwa tse di ka bodiwang?
3 Fa beke ya bo70 ya dingwaga (29-36 C.E.) e ne e atamela, le fa ngwaga wa 1914 o ne o atamela, batho ba ba boifang Modimo ba ne ba lebeletse gore Mesia a goroge. Mme o ne a goroga! Lefa go ntse jalo, ka lekgetlho lengwe le lengwe, tsela e a neng a tla ka yone e ne e farologana le tsela e batho ba neng ba e lebeletse. Le gone, mo lekgetlhong lengwe le lengwe, morago ga nako e khutshwane fela thata, “losika” lo lo bosula kgabagare lo a senngwa ka taolo ya Modimo.—Mathaio 24:34.
4 Mo setlhogong sa rona se se fetileng, re bone kafa losika lo lo bosula lwa Bajuta lo lo neng lo batla gore Jesu a bolawe lo neng lwa fela ka teng. Mme go tweng ka losika lo lo bosula lwa batho ba ba mo ganetsang kana ba mo tlhokomologa le e leng gone jaanong? Katlholo e tla diragadiwa leng mo losikeng lono lo lo senang tumelo?
“Lebelelang”!
5. (a) Ke ka ntlha ya lebaka lefe le le utlwalang re sa tlhokeng go itse “letsatsi le nako” ya ga Jehofa? (b) Go ya ka Mareko, Jesu o ne a konela boperofeti jwa gagwe ka kgakololo efe e e utlwalang?
5 Fa Jesu a sena go perofeta ka ditiragalo tse di tlang pele fela ga nako ya “sepitla se segolo,” o ne a oketsa jaana: “Ka ga letsatsi leo le nako eo, ga go itse ope, le fa e le baengele ba legodimo, le fa e le morwa, fa e se Rara a le esi fela.” (Mathaio 24:3-36; Mareko 13:3-32) Ga go tlhokege gore re itse nako e tota dilo di tla diragalang ka yone. Go na le moo, re tshwanetse ra tshwenyega thata ka gore re lebelele, re nne le tumelo e e nonofileng, re bo re tshwarege mo tirelong ya ga Jehofa—e seng ka go bala gore re bone letlha. Jesu o ne a konela boperofeti jwa gagwe jo bogolo ka go re: “Itiseng, lo lebelele lo rapele, gonne ga lo itse lobaka gore ke lofe. . . . lebelelang, . . . se ke se rayang lona, ke se raya botlhe fela ka re: ‘Lebelelang.’” (Mareko 13:33-37) Go na le kotsi mo lefifing la lefatshe la gompieno. Re tshwanetse go nna re thantse!—Baroma 13:11-13.
6. (a) Tumelo ya rona e tshwanetse ya theiwa mo go eng? (b) Re ka “bala malatsi” a rona jang? (c) Jesu tota o raya eng fa a re “losika”?
6 Ga re a tshwanela go tlhoma mogopolo mo boperofeting jo bo tlhotlheleditsweng malebana le metlha eno ya bofelo ya tsamaiso e e boikepo fela mme gape re tshwanetse ra thaya tumelo ya rona segolobogolo mo setlhabelong se se tlhwatlhwakgolo sa ga Keresete Jesu le mo ditsholofetsong tse di molemo tsa Modimo tse di theilweng mo go sone. (Bahebere 6:17-19; 9:14; 1 Petere 1:18, 19; 2 Petere 1:16-19) E re ka batho ba ga Jehofa ba tlhoafaletse go bona tsamaiso eno e e bosula e fela, ka dinako tse dingwe ba ile ba fopholetsa nako e “sepitla se segolo” se tla tlang ka yone, e bile ba e lomaganya le dipalo tsa gore losika lwa fa e sale ka 1914 lo ka tshela lobaka lo lo kana kang. Lefa go ntse jalo, re ‘itseela pelo ya botlhale,’ e seng ka go fopholetsa gore losika lo tsaya dingwaga kana malatsi a le kae, mme ka go akanya gore re ka “bala malatsi a rona” jang gore re isetse Jehofa pako ka boitumelo. (Pesalema 90:12) Lefoko le Jesu a le dirisitseng e leng “losika” ga se sengwe se re ka se dirisang go bona lobaka lwa nako, go na le moo le dira thata mo bathong ba ba tshelang ka nako e le nngwe fela ba nako e e rileng ya hisitori, ka mekgwa e ba tlhomologileng ka yone.b
7. Porofesa mongwe wa hisitori o kwadile eng kaga “losika lwa 1914,” mme seo se dumalana jang le boperofeti jwa ga Jesu?
7 Go dumalana le mafoko a a fa godimo, porofesa wa hisitori e bong Robert Wohl o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Generation of 1914: “Losika mo hisitoring ga lo tlhalosiwe ka matlha a lone . . . Ga se sengwe se se ka tlhalosiwang ka matlha.” Mme lefa go ntse jalo o ne a bolela gore Ntwa ya Lefatshe I e ne ya “kgaoganya nako e e fetileng le ya gone jaanong ka tsela e e gakgamatsang,” a bo a oketsa ka go re: “Batho ba ba falotseng ntwa ba ne ba sa kgone go tlosa kgopolo ya gore lefatshe le lengwe le ne le fedile mme go simologile le lengwe ka August 1914.” A bo mafoko ao a le boammaaruri jang ne! A itebagantse le ntlha ya botlhokwa. “Losika lo” lwa batho fa e sale ka 1914 lo bone diphetogo tse di boifisang. Lo bone lefatshe le elela madi a dimilione tsa batho. Ntwa, go fetsa batho ka losika, borukutlhi, bokebekwa, le tlolomolao di aname lefatshe lotlhe. Lefatshe la rona le aparetswe ke leuba, bolwetse, le boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong. Jesu o ne a perofeta jaana: “Fela jalo le lona [barutwa ba gagwe], fa lo bona dilo tse di dirafala, itseng fa bogosi jwa Modimo bo atametse. Ammaaruri ke a lo raya, losika lo, ga lo ketla lo feta go tsamaye dilo tsotlhe di dirafale pele.”—Luke 21:31, 32.
8. Baperofeti ba ga Jehofa ba gatelela jang kafa go tlhokegang ka gone gore re nne re thantse?
8 Ee, go setse go le gaufi thata gore Bogosi jwa ga Mesia bo fenye ka mo go feletseng! Ka jalo, a go na le molemo o re ka o bonang ka go batla matlha kana go fopholetsa gore totatota “losika” lo tshela dingwaga tse kae? Le e seng! Habakuke 2:3 e bolela jaana ka phepafalo: “Ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.” Letsatsi la ga Jehofa la katlholo le ntse le atamela ka bofefo.—Jeremia 25:31-33; Malaki 4:1.
9. Ke ditiragalo dife tsa go tloga ka 1914 tse di bontshang gore nako e khutshwane?
9 Fa Bogosi jwa ga Keresete bo ne bo simolola go busa ka 1914, Satane o ne a latlhelwa mo lefatsheng. Seno se ne sa felela ka gore ‘go latlhege lefatshe . . . ka Diabolo a fologetse kwa go lone, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.’ (Tshenolo 12:12, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Eleruri nako eo e khutshwane, fa e bapisiwa le dingwaga tse di diketekete tsa fa Satane a ntse a busa. Bogosi bo gaufi, mme le lone letsatsi le nako ya gore Jehofa a diragatse katlholo mo losikeng lono lo lo bosula!—Diane 3:25; 10:24, 25.
“Losika” lo lo Fetang
10. “Losika lo” lo tshwana jang le lwa motlha wa ga Noa?
10 A re tlhatlhobeng thata mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:34, 35: “Ammaaruri ke a lo raya: Losika lo ga lo ketla lo feta go tle go tsamaye dilo tsotlhe tse di dirafale pele. Legodimo le tlaa feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a ketla a feta.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mafoko a ga Jesu a a latelang a bontsha gore ‘ga go na ope yo o itseng letsatsi leo lefa e le nako.’ Mme sa botlhokwa le go feta, o bontsha gore re tshwanetse go tila diru tse di re dikologileng mo losikeng lo. Ka jalo Jesu o oketsa jaana: “Jaaka metlha ya ga Noa e ne e ntse, go tla ga Morwa Motho go tlaa nna fela jalo. Gonne jaaka go ne ga nna mo metlheng eo ya pele ga morwalela, ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba newa nyalong, go tla go fitlha mo tsatsing le Noa o tsenyeng mo ntlong e e kokobalang ka lone. Ba sa itse, morwalela wa ba wa tla wa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gone go tlaa nna fela jalo.” (Mathaio 24:36-39) Jesu fano o ne a bapisa losika lwa motlha wa gagwe le lwa motlha wa ga Noa.—Genesise 6:5, 9; ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
11. Jesu o ne a bapisa ‘ditshika’ jang, jaaka go begile Mathaio le Luke?
11 Fano e ne e se la ntlha baaposetoloi ba utlwa Jesu a bapisa ‘ditshika’ jalo ka gonne malatsinyana pele ga foo o ne a boletse jaana ka ga gagwe: “Morwa motho . . . o na le go boga dilo di le dintsi, le go ganwa ke losika lo. Jaaka go kile ga dirala mo metlheng ya ga Noa, go tlaa nna fela jalo le mo metlheng ya Morwa Motho.” (Luke 17:24-26, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo, Mathaio kgaolo 24 le Luke kgaolo 17 di tshwantsha ka tsela e e tshwanang. Mo motlheng wa ga Noa “batho botlhe [ba ba neng] ba sentse mekgwa ya bone mo lefatsheng” ba bo ba senngwa ka Morwalela e ne e le ‘losika lo.’ Mo motlheng wa ga Jesu, batho ba Bajuta ba batenegi ba ba neng ba gana Jesu e ne e le “losika lo.”—Genesise 6:11, 12; 7:1.
12, 13. (a) Gompieno “losika lo” lo lo tshwanetseng go feta ke eng? (b) Gone jaanong batho ba ga Jehofa ba itshoketse “losika lo lo kgopo le lo lo logwadi” jang?
12 Ka jalo, mo tiragatsong ya bofelo ya boperofeti jwa ga Jesu gompieno, “losika lo” go bonala gore lo kaya batho ba lefatshe ba ba bonang sesupo sa go nna gone ga ga Keresete mme ba bo ba sa siamise ditsela tsa bone. Go fapaana le seo, rona jaaka barutwa ba ga Jesu re gana go bopega go ya ka tsela ya go tshela ya “losika lo.” Lefa gone re le mo lefatsheng, ga re a tshwanela go nna karolo ya lone, “gonne lobaka lo atametse.” (Tshenolo 1:3; Johane 17:16) Moaposetoloi Paulo o re gakolola jaana: “Dirang dilo tsotlhe ka mo go se nang dingongorego le dikgang; gore lo nne ba ba se nang molato, le ba ba bokgwabo, lo le bana ba Modimo ba ba se nang bogole mo gare ga losika lo lo kgopo le logwadi, ba lo bonalang mo go bone jaaka masedi mo lefatsheng.”—Bafilipi 2:14, 15; Bakolosa 3:5-10; 1 Johane 2:15-17.
13 Go ‘bonala ga rona jaaka masedi’ ga go akaretse go nna le botho jo bontle jwa Bokeresete fela, mme sa botlhokwa le go feta, go akaretsa go diragatsa thomo ya boperofeti jwa ga Jesu: “Mme mafoko a a molemo ano a bogosi a tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le go agilweng mo go lone gore e tle e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme bokhutlo ke gona bo tla tlang.” (Mathaio 24:14, NW) Ga go na motho ope yo o ka bolelang gore bokhutlo joo bo tla tla leng, mme lefa go ntse jalo re itse gore “losika lo” lwa batho ba ba bosula lo tla khutla fela fa bosupi bo setse bo neetswe ka tsela e e kgotsofatsang Modimo “go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.”—Ditiro 1:8.
“Letsatsi Leo le Nako eo”
14. Jesu mmogo le Paulo ba ne ba neela kgakololo efe malebana le “metlha le dipaka,” mme re tshwanetse ra itshwara jang?
14 Fa bosupi mo lefatsheng lotlhe bo setse bo neetswe ka tsela e Jehofa a batlang ka yone, e tla bo e le ‘letsatsi le nako’ ya gagwe ya gore a fedise tsamaiso ya lefatshe leno. Ga re tlhoke go itse letlha go sa le pele. Ka jalo, moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana a latela sekao sa ga Jesu: “Ka ga metlha le dipaka, bagaetsho, ga go batlwe gore lo ka kwalelwa sengwe. Gonne le lona ka losi lo itse sentle fa letsatsi la Morena le tlaa tla fela jaaka legodu bosigo. E tle e re ba ntse ba re: ‘Kagiso le thagamo,’ foo tshenyego ya tshoganetso e ba wele, jaaka pelegi e tle e tlele mosadi yo o moimana; mme ga ba ketla ba falola gope.” Ela tlhoko se Paulo a se gatelelang: ‘E tla re ba re.’ Ee, katlholo ya Modimo e tla diragadiwa ka tshoganetso e sa solofelwa, fa go ntse go buiwa ka “kagiso le thagamo.” A bo kgakololo ya ga Paulo e tshwanela jang ne: “Jalo a re se robaleng, jaaka ba bangwe ba tle ba dire, a re lebeleleng, re nneng boitekanelo”!—1 Bathesalonika 5:1-3, 6; bona le ditemana 7-11; Ditiro 1:7.
15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go akanya gore Haramagetone e kgakala go feta jaaka re ne re ntse re dumela pele? (b) Bolaodi jwa ga Jehofa bo tshwanetse jwa golediwa jang mo isagweng e e gaufi?
15 A tsela eno e e nepileng go feta pele e re lebang “losika lo” ka yone e kaya gore Haramagetone e kgakala go na le jaaka re ne re akantse? Nnyaa le e seng! Lefa gone re ise re ko re itse “letsatsi leo le nako eo,” Jehofa Modimo ga a bolo go nna a ntse a le itse, e bile ga a fetoge. (Malaki 3:6) Go bonala sentle gore lefatshe le ntse le sutelela gaufiufi le gore le senyediwe ruri. Go tlhokafala thata go feta lefa e le leng pele gore re nne re thantse. Jehofa o re senoletse “dilo tse di tlaa akofang di dirafala,” mme re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo feletseng jwa gore dinako di potlakile.—Tshenolo 1:1; 11:18; 16:14, 16.
16 Fa nako e ntse e atamela, nna o thantse, ka gonne Jehofa o tloga a tlisa matlhotlhapelo mo tsamaisong yotlhe ya ga Satane! (Jeremia 25:29-31) Jehofa a re: “Ke tlaa itlotlomatsa, ke tlaa iitshepisa, ke tlaa itira gore ke itsiwe mo matlhong a merafe e le mentsi; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.” (Esekiele 38:23) ‘Letsatsi leo la ga Jehofa’ la makgaolakgang le a atamela!—Joele 1:15; 2:1, 2; Amose 5:18-20; Sefania 2:2, 3.
“Magodimo a Maša, le Lefatshe le Leša” la Tshiamo
17, 18. (a) Go ya ka Jesu le Petere, “losika lo” lo tla fela jang? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re lebeletse malebana le boitsholo le ditiro tsa poifomodimo?
17 Jesu o ne a bolela jaana malebana le ‘dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go diragala’: “Legodimo le tlaa feta le lefatshe, mme mafoko a me ga a ketla a feta.” (Mathaio 24:34, 35) Jesu o tshwanetse a bo a ne a akantse ka “legodimo . . . le lefatshe”—babusi le babusiwa—ba “losika lo.” Moaposetoloi Petere le ene o ne a dirisa mafoko a a tshwanang le ao fa a bua kaga “Magodimo a gompieno . . . le lefatshe,” ao a “beetswe[ng] molelo le lefatshe . . . ka a letisiwa letsatsi la tshekiso le la tshenyego ya baikepi.” Go tswa foo o tlhalosa gore “letsatsi la Morena le tlaa tla jaaka legodu; mme mo go lone magodimo [a e leng dipuso] a tlaa nyerega” mmogo le setšhaba sa batho ba ba bosula, kana “lefatshe,” le ditiro tsa lone tsa boleo. Go tswa foo moaposetoloi o re kgothaletsa “go tshel[a] gotlhe ka boitshepo le ka poifo Modimo [re ntse re] lebeletse, [re bile re] tlhologeletswe go tla ga letsatsi la Modimo, le e leng lone magodimo ka a a ša a tlaa nyeregang ka lone, le dipopo tsa magodimo di tlaa tlhapologa ka mogote o o tukang.” Go tswa foo go tla diragala eng? Petere jaanong o re bolelela ka ‘magodimo a maša le lefatshe le leša a go tla agang tshiamo mo go one.’—2 Petere 3:7, 10, 11-13.c
18 “Magodimo a maša” ao, Bogosi jo mo go jone go busang Keresete Jesu le dikgosi tse di busang mmogo le ene, a tla tlisa masego mo mokgatlhong o o siameng wa batho wa “lefatshe le leša.” A o tla nna mo mokgatlhong oo? Fa go ntse jalo, o na le lebaka la gore o ka itumelela isagwe e e molemo e e tlang!—Isaia 65:17-19; Tshenolo 21:1-5.
19. Ke tshiamelo efe e kgolo e re ka nnang le yone gone jaanong?
19 Ee, “losika” lo lo siameng lwa batho lo setse lo kokoanngwa le gone jaanong. Gompieno “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” yo o tloditsweng o ruta thuto ya Modimo go dumalana le mafoko a Pesalema 78:1, 4: “Lona batho ba me, beelang molao wa me tsebe; sekegelang mafoko a molomo wa me tsebe . . . [lo bolelele, NW] losika lo lo tlang dipako tsa ga Jehofa, le thata ya gagwe, le ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tse o di dirileng.” (Mathaio 24:45-47) Ka April 14 monongwaga, mo diphuthegong di feta 75 500 le mo dinageng di ka nna 230, batho ba feta 12 000 000 mo lefatsheng lotlhe ba nnile teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. A le wena o ne o le teng? E kete o ka tlhoma tumelo ya gago mo go Keresete Jesu mme ‘o bitse leina la ga Jehofa gore o bolokwe.’—Baroma 10:10-13.
20. E re ka “lobaka lo khutshwafetse,” re tshwanetse go nna re thantse jang, mme re solofetse eng?
20 Moaposetoloi Paulo o rile “lobaka lo khutshwafetse.” Ka gone, ke nako ya gore re nne re thantse ka dinako tsotlhe e bile re tlhoafetse mo tirong ya ga Jehofa, fa re ntse re itshokela go lekwa le go tlhoiwa ke losika lo lo boikepo lwa batho. (1 Bakorinthe 7:29; Mathaio 10:22; 24:13, 14) A re nneng re lebeletse, re etse tlhoko dilo tsotlhe tse di boleletsweng pele mo Baebeleng gore di tla tlela “losika lo.” (Luke 21:31-33) Fa re falola dilo tseno re bo re ema fa pele ga Morwa motho re amogetswe ke Modimo, kgabagare re ka bona mokgele wa botshelo jo bo sa khutleng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e feletseng ka ga “metlha e supa,” bona ditsebe 127-39, 186-9 tsa buka ya “Let Your Kingdom Come,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Bona Bolumo 1, tsebe 918, ya Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
c Bona gape le ditsebe 152-6 le 180-1 tsa buka ya Our Incoming World Government—God’s Kingdom, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Dipotso Tsa Poeletso:
◻ E re ka re bone go diragadiwa ga Daniele 4:32, jaanong re tshwanetse go ‘nna re lebeletse’ jang?
◻ Efangele ya ga Mathaio le ya ga Luke di bontsha jang gore ‘losika lo’ ke lofe?
◻ Fa re ntse re emetse “letsatsi leo le nako eo,” re bona eng, mme re tshwanetse ra itshwara jang?
◻ Tsholofelo ya gore re tla bona “magodimo a maša, le lefatshe le leša” e tshwanetse ya re kgothaletsa go dira eng?
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Batho ba ba bogang ba tla gololesega fa losika lono lo lo thubakang, lo lo boikepo lo feta
[Motswedi wa Setshwantsho]
Alexandra Boulat/Sipa Press
[Motswedi wa Setshwantsho]
Left and below: Luc Delahaye/Sipa Press
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Ditso tsotlhe tsa batho di tla tloga di nna le “magodimo a maša, le lefatshe le leša” le le galalelang