LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 6/1 ts. 28
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nako ya Gore re Nne re Thantse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Bolokiwa Mo ‘Losikeng lo lo Bosula’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Nna Gone ga ga Keresete—Go go Ama Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Dipotso tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 6/1 ts. 28

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

“Tora ya Tebelo” ya November 1, 1995, e ne e bua thata ka se Jesu a neng a se bolela malebana le “kokomana eno,” jaaka fa re bala mo go Mathaio 24:34. A seno se raya gore go na le pelaelo nngwe malebana le gore a Bogosi jwa Modimo bo ne jwa tlhomiwa kwa legodimong ka 1914?

Kgang e e mo makasineng wa Tora ya Tebelo e ne e sa fetole thuto ya rona ya motheo malebana le 1914. Jesu o ne a bolela se se tla supang go nna gone ga gagwe mo maatleng a Bogosi. Re na le bosupi jo bontsi jwa gore sesupo seno se ile sa diragadiwa fa e sale ka 1914. Boammaaruri ka ga dintwa, mauba, dipetso, dithoromo tsa lefatshe, le bosupi jo bongwe di bontsha gore Jesu o ntse a dira e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo fa e sale ka 1914. Seno se bontsha gore fa e sale ka nako eo re ntse re le mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.

Ke eng, he, se Tora ya Tebelo e neng e se tlhalosa? Ebu, ntlhakgolo e ne e le kgopolo e Jesu a neng a dirisa lefoko “kokomana” ka yone mo go Mathaio 24:34. Temana eo e balega jaana: “Ammaaruri ke a lo raya ka re kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tseno tsotlhe di diragala.” Jesu o ne a kaya eng fa a bua ka “kokomana” mo motlheng wa gagwe le mo motlheng wa rona?

Dikwalo tse dintsi di tlhomamisa gore Jesu o ne a sa dirise lefoko “kokomana” a kaya setlhophanyana se sennye kana se se rileng, a raya baeteledipele ba Bajuda fela kana barutwa ba gagwe fela ba ba ikanyegang. Go na le moo, o ne a dirisa lefoko “kokomana” a nyatsa Bajuda ba bantsi ba ba neng ba mo gana. Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore batho ba ne ba dira se moaposetoloi Petere a neng a ba kgothaletsa go se dira ka letsatsi la Pentekosete, gore ba sokologe le gore ba ‘bolokwe mo kokomaneng eno e e kgopameng.’—Ditiro 2:40.

Mo polelong eo, go a bonala gore Petere o ne a sa lebisa ka tlhamalalo go batho ba dingwaga tse di rileng kana ba lobaka lo lo rileng lwa nako, e bile o ne a sa amanye “kokomana” le letlha lepe le le rileng. O ne a sa re batho ba ipoloke mo kokomaneng e e tsetsweng mo ngwageng o Jesu a tsetsweng ka one kana kokomana e e tsetsweng ka 29 C.E. Petere o ne a bua ka Bajuda ba ba neng ba sa dumele ba nako eo—bangwe ba bone gongwe ba ne ba sa ntse ba le basha, ba bangwe ba godile—ba ba neng ba utlwa thuto ya ga Jesu, ba bone dikgakgamatso tsa gagwe kana ba utlwile ka tsone, mme ba sa mo amogele jaaka Mesia.

Go bonala e le ka tsela eo Petere a neng a tlhaloganya tsela e Jesu a neng a dirisa lefoko “kokomana” ka yone fa ene mmogo le baaposetoloi ba bangwe ba bararo ba ne ba na le Jesu kwa Thabeng ya Lotlhware. Go ya ka polelo ya ga Jesu ya boporofeti, Bajuda ba nako eo—bao bontsi jwa bone e neng e le bankana ba ga Jesu—ba ne ba tla bona kana ba utlwalela dintwa, dithoromo tsa lefatshe, ditlala, le bosupi jo bongwe jwa gore bofelo jwa tsamaiso ya Sejuda bo gaufi. Tota e bile, kokomana eo e ne e se kitla e feta pele ga bokhutlo bo tla ka 70 C.E.—Mathaio 24:3-14, 34.

Gone go tshwanetswe ga dumelwa gore nako e yotlhe re ntse re sa tlhaloganye mafoko a ga Jesu ka tsela eno. Batho ba ba sa itekanelang ba na le tshekamelo ya go batla go tlhalosa ka tlhamalalo gore bokhutlo bo tla tla leng. Gakologelwa gore le e leng baaposetoloi ba ne ba batla go itse ka tlhomamo fa ba ne ba botsa jaana: “Morena, a o busetsa bogosi mo Iseraele ka nako eno?”—Ditiro 1:6.

Batlhanka ba Modimo ba motlha wa segompieno le bone ka maitlhomo a a siameng ba ile ba leka go bona go tswa mo go se Jesu a neng a se bua ka “kokomana” nako e e tlhomameng ba e bala go tswa mo go 1914. Ka sekai, go ne go tlhalosiwa gore kokomana e ka nna lobaka lwa dingwaga di le 70 kana 80, e le ya batho ba ba setseng ba godile sentle go kgona go lemoga se se bolelwang ke ntwa ya ntlha ya lefatshe le ditiragalo tse dingwe; ka gone re ka kgona go bala gore bokhutlo bo gaufi go le kana kang.

Go sa kgathalesege gore go akanya ka tsela eno go ne go dirwa ka maikaelelo a a molemo go le kana kang, a go ne go dumalana le kgakololo eo Jesu a neng a e neela? Jesu o ne a re: “Malebang le letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, lefa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela. . . . Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.”—Mathaio 24:36-42.

Ka jalo, tshedimosetso ya bosheng e e mo makasineng wa Tora ya Tebelo e e malebana le “kokomana eno” e ne e sa fetole tsela e re tlhaloganyang ka yone se se diragetseng ka 1914. Mme, e ne e re thusa gore re tlhaloganye botoka tsela e Jesu a neng a dirisa lefoko “kokomana” ka yone, go re thusa gore re kgone go bona gore go dirisa ga gagwe lefoko leno go ne go sa re neye gore re bale—go tswa mo go 1914—go bona gore re gaufi go le kana kang le bokhutlo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela