LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 5/1 ts. 29
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Nako ya Gore re Nne re Thantse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Nna Gone ga ga Keresete—Go go Ama Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Dipotso tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 5/1 ts. 29

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go ka bolelwa ga twe tsela e ntšha e re tlhaloganyang ka yone lefoko “kokomana” le le mo go Mathaio 24:34 e re letla go swetsa ka gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ka nna jwa diega ka lobakanyana?

Eleruri ga go a nna jalo. Go farologana le seo, tsela e ntšha e re tlhaloganyang ntlha eno ka yone e tshwanetse ya re thusa go nna re lebeletse bokhutlo. Ke ka ntlha yang fa go ka buiwa jalo?

Ebu, jaaka fa Tora ya Tebelo ya November 1, 1995, e tlhalositse, Jesu o dirisitse polelwana “kokomana eno” a lebisitse go batho ba ba boikepo ba ba tshelang ka nako e le nngwe fela. (Mathaio 11:7, 16-19; 12:39, 45; 17:14-17; Ditiro 2:5, 6, 14, 40) E ne e sa bolele boleele jwa lobaka lo lo rileng lwa nako e e simololang ka letlha le le rileng.

Totatota, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo go one makasine oo wa Tora ya Tebelo di bua thata ka dintlha tse pedi tsa botlhokwa: “Losika lwa batho ga lo kake lwa tsewa jaaka lobaka lo lo beilweng lwa nako lo lo nang le palo e e tlhomameng ya dingwaga” le “Batho ba losika lo lo rileng ka kakaretso fela ba tshelang ka nako e khutshwane fela.”

Gantsi re dirisa lefoko “kokomana” ka tsela eno. Ka sekai, re ka nna ra re, ‘Masole a kokomana ya ga Napoléon a ne a sa itse sepe ka difofane le dibomo tsa atomo.’ A re tla bo re bua fela ka masole a a tshotsweng ka ngwaga o Napoléon a tshotsweng ka one? A re tla bo re lebisitse fela mo masoleng a Fora a a suleng pele ga Napoléon a swa? Nnyaa le eseng; e bile ga re kitla re dirisa lefoko “kokomana” go leka go bolela palo e e rileng ya dingwaga. Le fa go ntse jalo, re tla bo re bua ka nako e khutshwane fela, e seng dingwaga di le makgolokgolo go tloga ka nako ya ga Napoléon go ya pele.

Go a tshwana le tsela e re tlhaloganyang ka yone se Jesu a neng a se bua mo boporofeting jwa gagwe kwa Thabeng ya Lotlhware. Go diragadiwa ga dikarolo tse di farologaneng tsa boporofeti joo go supa gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo gaufi. (Mathaio 24:32, 33) Gakologelwa gore go ya ka Tshenolo 12:9, 10, fa Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo bo ne bo tlhongwa ka 1914, Satane o ne a piriganyediwa mo lefatsheng. Tshenolo e oketsa ka gore jaanong Satane o galefile tota. Ka ntlha yang? Gonne o a itse gore “o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:12.

Ka jalo go a tshwanela go bo Tora ya Tebelo ya November 1 e bo e ne e na le setlhogwana se se reng “Lebelelang!” Serapa se se latelang se ne se bua sentle fa se re: “Ga go tlhokege gore re itse nako e tota dilo di tla diragalang ka yone. Go na le moo, re tshwanetse ra tshwenyega thata ka gore re lebelele, re nne le tumelo e e nonofileng, re bo re tshwarege mo tirelong ya ga Jehofa—e seng ka go bala gore re bone letlha.” Mme e bo e nopola mafoko a ga Jesu a a reng: “Nnang lo lebile, nnang lo tsogile, gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng. Mme se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.”—Mareko 13:33, 37.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela