LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
Tswa
Tsena
LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
Kitsiso
Puo e ntšha e e gone: Mbum
  • Gompieno

Labobedi, July 29

Ke go amogetse.​—Luke 3:22.

Baebele e a re: “Jehofa o itumelela batho ba gagwe.” (Pes. 149:4) Ruri mafoko ano a a kgothatsa ka gonne a re netefaletsa gore Jehofa o amogela batho ba gagwe. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe bangwe ba a tle ba kgobege marapo ba bo ba akanya gore Jehofa ga a ba amogele. Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng le bone ba ne ba tle ba ikutlwe jalo. (1 Sam. 1:6-10; Jobe 29:2, 4; Pes. 51:11) Baebele e a re fa re dumela mo go Jesu Keresete re bo re kolobediwa, Jehofa o tla re amogela. (Joh. 3:16) Fa re kolobediwa, re bontsha ba bangwe gore re ikwatlhaetse maleo a rona le gore re solofeditse Modimo gore re tla dira thato ya gagwe. (Dit. 2:38; 3:19) Jehofa o a itumela fa re dira jalo. Fa re dira sotlhe se ka re kgonang gore re tswelele re mo direla, o a re amogela e bile re nna ditsala tsa gagwe.​—Pes. 25:14. w24.03 26 ¶1-2

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Laboraro, July 30

Ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.​—Dit. 4:20.

Le rona re ka etsa Petere le Johane ka go tswelela re rera le fa puso e re laela gore re tlogele go rera. Re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re thusa gore re kgone go rera. Ka jalo, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re neye bopelokgale le botlhale le gore a re thuse go itshoka fa re na le mathata. Bontsi jwa rona re a lwala, re kgobegile marapo, re tlhokafalelwa ke batho ba re ba ratang, re a bogisiwa e bile re na le mathata a mangwe. Mme malwetse a leroborobo le dintwa di dirile gore go nne thata go itshokela mathata ao. Bolelela Jehofa gore o ikutlwa jang. Bua le ene fela jaaka o ne o ka bua le tsala ya gago. Se belaele gore Jehofa “o tla go thusa.” (Pes. 37:3, 5) Fa re nna re rapela re tla kgona go ‘itshoka fa re na le mathata.’ (Bar. 12:12) Jehofa o itse mathata a batlhanka ba gagwe ba a itshoketseng e bile o “utlwa selelo sa bone sa go kopa thuso.”​—Pes. 145:18, 19. w23.05 5-6 ¶12-15

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025

Labone, July 31

Nnang lo tlhomamise gore ke eng se Morena a se amogelang.​—Baef. 5:10.

Fa re dira ditshwetso tsa botlhokwa, re tshwanetse go leka go bona gore ke eng “se Jehofa a batlang gore re se dire” re bo re se dira. (Baef. 5:17) Fa re dirisa melaometheo ya Baebele fa re dira ditshwetso, re a bo re bontsha gore re batla kaelo ya ga Jehofa. Fa re dira jalo re tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng. Satane o batla gore re tlhome mogopolo thata mo dilong tsa lefatshe leno gore re se ka ra nna le nako ya go direla Jehofa. (1 Joh. 5:19) Mokeresete a ka nna a tlhoma mogopolo mo dilong tse di jaaka madi, thutego kgotsa tiro go na le gore a leke go direla Jehofa mo go oketsegileng. Fa a dira jalo, o tla bo a bontsha gore o simolotse go akanya jaaka batho ba lefatshe leno ba ba sa direleng Jehofa. Gone ke boammaaruri gore dilo tseno ga di phoso, mme gone ga di a tshwanela go nna botlhokwa thata mo go rona. w24.03 24 ¶16-17

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2025
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela